Tuesday 28 June 2016

Boipobolo jwa Belhar




Leader – L               Congregation – C




Re dumela mo Modimong o le nosi: Rara, Morwa le Mowa o o Boitshepo. Modimo o o ikokoanyetsang Kereke, O a e sireletsa le go e tlhokomela, go tloga tshimologong ya lefatshe go isa pheletsong.

C  Re dumela Kereke e le nosi ya Bokeresete.
Kereke e e Boitshepo.
Kereke e e akaretsang, e leng kopano ya bana ba Modimo, ba ba biditsweng go tswa ditshikeng tsotlhe tsa batho.


L   Re dumela gore tiro ya poelano ya ga Keresete e tsala bongwe jwa Kereke, gonne bongwe jwa Kereke ke neo ya Modimo, mme ke maikaelelo a re a direlang ka thata go a fitlhelela.

C   Bongwe jwa Kereke bo tshwanetse go tlhagelela gore batho ba ba re potologileng ba tle ba bone jaaka kgaogano le letlhoo di fenngwa mo go Keresete.


L   Re dumela gore tumelo ya boammaruri mo go Keresete ke one motheo fela o le nosi wa go nna tokololo ya kereke eno ya Bokeresete.

C   Ka mokgwa o o ntseng jalo, re tsholola le go latlha puo ya go re mmala wa motho, maemo, bong kgotsa ngwao di tshwanetse go re tlhagisetsa gore e tshwanetse ya nna mang tokololo ya kereke e.


L   Re dumela gore Modimo o neile Kereke molaetsa wa poelano, le gore Kereke e bileditswe go nna letswai le lesedi la lefatshe.

C  Ka ntlha eo, re latlha tumelo ya go re efangedi e tlhotlheletsa kgaogano mo motheong wa sebomorafe, bong, maemo kgotsa ngwao.


L   Re dumela gore Modimo o rata go lere tshiamo le boammaruri le kagiso ka gale mo lefatseng.
Re dumela gore Modimo, ka mokgwa o o itlhaotseng, Ke Modimo wa ba ba sotlegang, Ke Modimo wa bahumanegi le ba ba gatelelwang ditshwanelo.

C   Modimo o dira tshiamo mo go ba ba gateletsweng.
O kgorisa ba ba mo tlaleng.
O golola ba ba golegilweng.
O dira gore difofu di bone.
O sireletsa batswakwa, dikhutsana le batlholagadi, mme O senya maano a ba ba bosula.


L   Re dumela gore Kereke ke leruo la Modimo, mme Kereke e tshwanetse go ema fa Modimo o emeng teng. E eme kgatlhanong le tshiamololo le go ema le ba ba siamololetsweng.

C   Ka mokgwa o o, re latlha le go tsholola molao mongwe le mongwe, le thuto nngwe le nngwe e e letlang tshiamololo go atlega.


L   Re bileditswe go ipobola le go dira tsotlhe go ikobela Jesu Keresete kgosi ya rona – le fa baeteledipele kgotsa melao e ganetsana le se, le fa e le kotlhao, le fa e le tshotlako, di ka re tlhagela.

C   Jesu ke kgosi, re tla Mo latela.
Go Modimo o le nosi – Rara, Morwa le Mowa o o Boitshepo – go isiwe tlotla le poko ka metlha le metlha.


AMEN
 

1 comment:

  1. 888 Casino review - DrMCD
    The online 삼척 출장마사지 gaming division of 구미 출장마사지 888casino is proud to bring its 통영 출장샵 name to the 구리 출장샵 online gaming industry. This company was founded in 2016 and is the 안동 출장안마 leading supplier

    ReplyDelete